Mafapha a le 5 a puso ya North West a tlile go boelwa ke dithata tsa ona. Seno ke morago ga gore kabinete e atlenegise ditshitsinyo tsa setlhopa sa borongwa sa ditona, tsa gore se khutlhise tsereganyo ya sona kwa North West, kwa bokhutlhong ba ngwaga ono wa matlole. Mafapha a beilwe mo tsamaisong ya puso ya bosetshaba dingwaga di feta di le 2 tse di fetileng. For more news, visit sabcnews.com and also #SABCNews #SABCDikgang #COVID19News on Social Media.